Mark 14

Mosadi yo o tloditseng Jesu ka lookwane

1Mme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya.

2Mme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.”

3Ka lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe.

4
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 14:5.
5
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 14:4-5.
Bangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!”

6Mme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo. 7Gonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele. 8O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale. 9Mme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.” 10Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu.

11Erile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone.

Jesu o baakanyetsa Selalelo

12Ka letsatsi la ntlha la modiro wa Tlolaganyo, letsatsi le go neng go ntshiwa ditlhabelo tsa dikonyana, barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rata go ya go jela modiro wa Tlolaganyo kae? 13Mme a roma ba le babedi kwa Jerusalema go ya go dira dithulaganyo a ba raya a re, “E tlaa re fa lo sa ntse lo tsamaya, lo tlaa bona monna a tla a lebaganye le lona a rwele nkgwana ya metse. Lo mo sale morago. 14Mo tlung e o tsenang mo go yone, bolelelang mong-wa ntlo lo re, ‘Morena wa rona o re rometse go tla go bona ntlwana e lo e re baakanyeditseng, e re tlaa jelang modiro wa Tlolaganyo mo go yone maitseboeng ano!’ 15O tlaa lo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo e kgolo e e baakantsweng. Baakanyang dijo tsa rona gone.”

16Mme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo.

17Mo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe, 18mme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.”

19Mme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?”

20Mme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino. 21Ke tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.” 22Ya re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.”

23A tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone. 24Mme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho. 25Ammaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.”

26Hong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.

Petere o solofetsa go ema le Jesu

27Mme Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tlaa ntlogela, gonne Modimo o buile jaana ka baporofiti wa re, ‘Ke tlaa ya kwa Galalea go ya go kopana le lona teng.’”

28
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 14:29.
29
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 14:28-29.
Petere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!”

30Jesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.”

31Mme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe.

Jesu o rapela mo Gethesemane

32Hong ba fitlha fa felong fa go bidiwang tshimo ya Gethesemane, a feta a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.”

33Mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega. 34A ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.”

35A tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela.

36Mme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.”

37Hong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela? 38lebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.”

39Mme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe. 40A boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.

41La boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula. 42Tsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!”

Go tshwarwa ga ga Jesu

43Mme erile ka bonako a sa ntse a bua, Judase mongwe wa barutwa ba gagwe a goroga le setlhopha sa batho ba ba ipapanneng ka dichaka le melamu ba ba romilweng ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.

44Judase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.”

45Mme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo. 46Jalo setlhopha sa batho sa mo tshwara. 47Gone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe.

48Jesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano? 49Ke eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.”

50Ka nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile. 51
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 14:52.
52
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 14:51-52.
Mme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega.

Jesu fa pele ga Moperesiti yo mogolo

53Hong Jesu a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo kwa bagolwane botlhe ba baperesiti le baeteledipele bangwe ba Sejuta ba neng ba phuthaganela teng. 54Mme Petere a bo a mo setse morago a le kgakalanyana nae a ba a tla a tsena ka kgoro ya motse wa Moperesiti yo Mogolo a kotama fa molelong a nna fa gare ga batlhanka.

55Mo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega. 56Basupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya.

57Lwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re, 58“Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’ ” 59Le fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng!

60Hong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?” 61Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”

62Jesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.”

63
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 14:64.
64
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 14:63-64.
Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso.

65Mme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae.

Petere o itatola Jesu

66
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 14:67.
67
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 14:66-67.
Mme ka lobaka loo Petere o ne a le kwa tlase mo lolwapaneng. Mongwe wa basetsana ba ba neng ba direla Moperesiti yo Mogolo a lemoga Petere a ikomosa fa molelong. A tsepega Petere matlho a goa a re, “O ne o na le Jesu, wa Monasara.”

68Petere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela.

69Mme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!”

70Petere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!”

71A simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.”

72Ka bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela.
Copyright information for TsnLEF